Alinah Kelo Segobye

Go tswa ko Wikipedia

Alinah Kelo Segobye ke morotloetsi le motlhatlhela dipuisano, motlhatlhobi wa masaladi o o itebagantseng le go rotloetsa le go tlhatlhela dipuisano ka mogare wa HIV/AIDS mo isagong o nale keletso ya go ithutela go tlhatlhoba dilo tsa segologolo le go tlhatlhoba masaladi mo kontinenteng ya Aferika.[1] Ke moeteledipele wa maranyane a batho kwa mmadikolo wa Namibia University of Science and Technology gape o ile a tlhopiwa ele mongwe wa leloko la African Academy of Sciences.

Dithuto[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Segobye o feditse dithuto tsa tse di kgolo kwa mmadikolo wa Botswana o ne a aloga gape kwa mmadikolo wa University of Cambridge kwa ile a neelwa setlankana sa PHD mo tlhatlhobong ya masaledi ka ngwaga wa 1994.[2]

Tiro[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Segobye o berekile ele mothusa moeteledipele wa maranyane a batho le dipatlisiso mo khanseleng kwa Aferika Borwa. O ne a tswelela ka go ya go direla kwa mmadikolo wa Botswana pele a tsaya maemo a gagwe a mo bo gompeinong a go nna mookamedi wa maranyane a batho kwa mmadikolo wa University of Science and Technology.[3] O ne a nna tautona wa lekalana la PanAfrican Archaeological Association go tloga ka ngwaga wa 2005 go fitlheleleng ka ngwaga wa 2010.[4]

  1. "UNESCO Future Forum Africa #2: Decolonizing African Futures: Exploring and Realigning Alternative Systems" (PDF). UNESCO. 6 December 2013.
  2. Townsend, Leonie. "Prof Alinah Kelo Segobye". Welcome to Foresight For Development. Retrieved 27 February 2020.
  3. "Alinah Segobye | Faculty of Human Sciences". fhs.nust.na. Retrieved 27 February 2020.
  4. Congresses and Presidents – PanAfrican Archaeological Association". www.panafprehistory.org. Retrieved 22 October 2021.